EPISODE · Dec 17, 2023 · 24 MIN
ITLHABE: Puisano ka go fetlha motlakase ka mokgwa wa nuclear
from Radio 2000 Mixes · host Radio 2000
Kelebogile Kgetse o buisana le Motlatsa-President wa mokgatlho o o dirang ka Nuclear - Nuclear Industry Association of South Africa - NIASA, Gaopalelwe Santswere Go re thusa go tlhaloganya kitsiso ya Tona wa motlakase - Kgosientsho Ramokgopa, ya gore go solofelwa fa mo dikgweding di le tharo tse di tlang, go tla itsisiwe ka dikgato tse di tla dirisiwang go fitlhelela setlamo se se maleba go aga di-plant tsa motlakase tse di tla dirisiwang go fetlha motlakase ka mokgwa wa nuclear. Seno ke jaaka ba lephata le le laolang merero ya energy, NERSA, ba dumelana le dintlha tse di mo lenaaneng la Intergrated Resource Plan, le le tlhagisang dikgato tsa go fitlhelela di-megawatt di le dikete di le pedi le makgolo a matlhano tsa motlakase wa nuclear. Ramokgopa a re go fitlhelela di-megawatt tseno go tlile go thusa thata go netefatsa gore baagi botlhe ba abelwa motlakase.
Embed this episode
Ready to play
ITLHABE: Puisano ka go fetlha motlakase ka mokgwa wa nuclear
No transcript for this episode yet
Similar Episodes
No similar episodes found.
Similar Podcasts
No similar podcasts found.