Mme jaaka modiri wa tshimo
from Resemeletse Hosted by Motsweding FM
Maloba lefelo la masimo e ne e le la mosadi, e seng jaaka gompieno re utlwa sekgoa se tlhalosa gore lefelo la mosadi ke kwa boapeelong. A go na le lebaka le le rileng le le neng le pateletsa mosadi go bewa kwa masimo? Re lebelela gape le melaetsa e e mo dipineng tse di neng di oplewa ke basadi fa ba e kwa tshimong. Gompieno re itemogela ditiro di dirwa ke botlhe, baana le basadi. Re bona maemo a a farologaneng a ka tsewa/dirwa ke banna le basadi go akaretsa le maemo a a kwa godimo mo pusong, basadi ba setse ba le foo. A go raya gore mokgwa o wa go baya mosadi kwa tshimong, e ne e le kgethololo tshotlhakako? Re leba tse ka leitlho la setso sa Setswana.
Embed this episode
No transcript yet.