PODCAST · news
Kopa Dilalelo
by Motsweding FM
KOPA DILALELO is consciously built to define credible context and engage different perspectives. The show uses a variety of views and projects them without subjectivity whilst ensuring that it projects all forms of unscripted conversations and engage audiences. It further uses multiple views at one time unless content is focused on an individual subject.
Episodes
-
Kgodiso le tiriso ya puo ya Setswana le Prof Shole Shole
Re buisana le Prof Shole Shole go tswa ka UNIWES, re buisana le ena ka kgodiso le go tlhamiwa ga mareo a matsha a Setswana. Ba dira jaang gore rona baagi, le batho ba ba dirisang puo ya Setswana ka gale, re itse le go fitlhelela mareo ao a mantsha, kgotsa ao ba a tlhabolotseng.
-
Kotsi ya go jesa mokapelo wa gago moratiso le ngaka ya setso Kagiso Kaibes
Re buisana le ngaka ya setso, Kagiso Kaibes, ka kotsi ya go jesa mokapelo wa gago moratiso, le gore a gone meratiso ya dira naa?
-
Prof Otlogetswe ka gore Artistic Licence e thusa jaang go godisa puo segolo jaang puo ya rona ya Setswana
Re buisana le Prof Otlogetswe go tswa ko University of Botswana ka Artistic Licence. Artistic Licence e thusa jaang go godisa puo segolo jaang puo ya rona ya Setswana.
-
Kgotlang mo lenyalong le Prof Tholene Sodi (Clinical Psychologist)
Re buisana le Prof Tholene Sodi (Clinical Psychologist) o a dirileng dipatlisiso gore re baakanya jaang kgotlhang mo lenyalong re dirisa mekgwa ya go tsereganya ya se-Afrika.
-
Radio Day
Re buisana le Itumeleng Bahetane gore social media e ama jaang mokgwa o batho ba reetsang radio ka ona, radio e fetogile jaang mo dingwang tse di fetileng?
-
Go bofa lenyalo le Ngaka ya setso Rre Kagiso Kaebis
Re buisana le ngaka ya setso, Rre Kagiso Kaebis ka botlhokwa jwa go bofa lenyalo. A gona go santse go nale batho ba ba bofang/gothaya manyalo a bona.
-
Mebala ya Dikgomo
Mme gompieno re lebelela mebala ya dikgomo le gore e kaya eng mo Motswaneng .
-
Go gweba ka tonki le Mompati Kgomanyane-Modimogale
Tonki ga e bonwe jaaka seruiwa seo motho a ka gwebang ka sona, tonki ke phologolo eo gantsi e dirisediwang ditiro tse di thata, e sotliwa, phologolo eo e senang mosola. Re buisana le Mompati Kgomanyane-Modimogale yo a re fatlhosang ka ditshono tseo dileng teng tsa go ka gweba ka tonki.
-
Rre Bonakele Pakisi yo e neng e le paki mo kgetseng ya loso la ga Matlhomola Moshweu yo go belaelwang a bolailwe
Mo lekwalong dikgang la Raaport la 20th Ferikgong 2019, go tlhalositswe fa Pakisi a buile maka gore o bone tiragalo ya poloa ya Matlhomola Moshweu, go tlhalosiwa fa a ne a seyo/a le gautshwane le go tiragalo eo ya polao. Re buisana le Rre Bonakele Pakisi yo e neng e le paki mo kgetseng ya loso la...
-
Ditsela tse batho ba ka di lebelelang go ka fitlha ba masika a bona
Mabitla a tlatse ko Johanessburg, re buisana le Dr. Lawrence Konyana president ya SA Funeral Federation, ka mekgwa le ditsela tse dingwe tse batho ba ka di lebelelang go ka fitlha ba masika a bona.
-
Monna le kae?
Re buisane le Meshack N. Kekana go tswa kwa Dads In The Picture (NPO) yo a neng a re fatlhosa gore rre ke ena a rwalang maikarabelo a go bona gore bana ba gagwe/bana ba mo motseng o a tshela mo go ona, ba tshela matshelo a a siameng ebile ke ena a tshwanetseng go ruta bana go nna le maitseo.
-
Molao wa reng ka lenyalo a setso le Mmueledi Rre John Nkomo
Rre buisane le Mmueledi, Rre John Nkomo a re tlhalosetsa gore; molao wa reng ka lenyalo la setso. Fa re re lenyalo la setso le mo molaong, ke eng seo se tshwanetseng sa bo se diragetse? (patlo, go ntsha magadi, go gorosiwa ga ngwetsi jalo le jalo)
-
Molao wa reng ka go tlhala molekane o a nang le bolwetse ba tlhogo.
Rre buisane le Mmueledi, Rre John Nkomo a re tlhalosetsa gore; molao wa reng, fa o batla go tlhala molekane wa gago yo a nang le le boletse ba tlhogo.
-
O ritibatsa jaang maikutlo fa wa losika a tseile botshelo jwa gagwe?
Go tlhokafala ga motho yo o mo itseng ga se selo se se bonolo, mme go botlhoko thata fa motho yoo, a tlhokafala ka go tsaya botshelo jwa gagwe. Lona ba lo setseng, lo sala lo ipotsa dipotsa tsa gore, le paletswe kae go mo utlwa? Goreng le sa bona matshwao? Goreng motho yoo a sa bua jalo le jalo.…
more -
Puisano le Mme Edna Bomo Molewa, yo ka nako eo, e ne e le Tonakgolo ya profense North West
Re go tshamekela kgatiso ya puisano ya ga Mmusetsi “Chesa” Monaise, motlhagise wa maloba wa ditshwantsho-tumo mo Motsweding FM, fa a ne a buisana le moswi Ngaka Edna Bomo Molewa, yo ka nako eo, e ne e le Tonakgolo ya profense North West. Mo puisano e, Mme Molewa o re thadisetse leoto la gagwe la...
-
Dithamalakwane le mokwadi wa dibuka Rre Ben Matlole Maitsapo
Re buisana le Mokwadi wa buka ya Setswana e e bidiwang “Setswana Sa Reng” Rre Ben Matlole Maitsapo ka dithamalakwane, Re batla go itse bokao jwa dithamalakwane ebile re tlile go tshameka motshameko wa dithamalakwane mo tsamaong ya thulaganyo.
-
Thato Molosankwe o tsereng tshwetso ya go tsaya loeto gotswa Kapa go ya Cairo
Thato Molosankwe o tsereng tshwetso ya go tsaya loeto gotswa Kapa go ya Cairo, maitlhomo e le go tshibosa baagi ba dinaga tse a tlileng go tsamaya mo go tsone ka tshotlakako ya bana le basadi.
-
A AZAPO e santse e tsweletsa go ruta batho ka Black Consciousness kgotsa seo ke selo sa maloba?
A AZAPO e santse e tsweletsa go ruta batho ka Black Consciousness kgotsa seo ke selo sa maloba? Re seka seka kgang e le @MP_Author le Dr Motebe chairperson of Azapo in the Northern Cape. #MotswedingFMKD #SteveBantuBiko
-
Kgolagano ya Batswana le dinonyane
Kgolagano ya Batswana le dinonyane, goreng Motswana a biditse nonyane a ke thaga, lenong, mmamasila noka jalo le jalo.
-
Calendara ya rona ya Se Afrika le Rre Lesego Monyai
Re buisana ka Ngwaga o montshwa wa se Afrika le go tlhomiwa semmuso ga Calendara ya rona ya Se Afrika. Moeng wa rona gotswa ko The Royal House of Kermit ke Rre Lesego Monyai.
-
Dikereke di thusa jang go lwantsha tshotlo le go sa tsholwe sentle ga basadi le Father Rakeketsi gotswa Catholic Bishops
Re buisana le Father Rakeketsi - Associate Secretary General of the Catholic Bishops in Southern Africa. Head of Protocol and Conduct of priests. O tlile gore tlhalosetsa gore dikereke di thusa jang go lwantsha tshotlo le go sa tsholwe sentle ga basadi
-
A Diane dingwe tsa Setswana di gatelela bomme le Mme Eileen Pooe?
A diane tsa Setswana di gatelela bomme? Re buisana le Mme Eileen Pooe gotswa kwa University ya North West go leka go tlhalaganya motheo wa diane tseno. #MotswedingFMKD
-
Mathata a basadi ba kopanang le ona fa ba batla go iponela lefatshe leo e leng la bone le Karabo Magagane
Re buisane le Karabo Magagane go tswa ANCWL Young Women’s Desk re buisana le ena ka kgang e e tsositseng tlhatlahruane ya lefatshe. O ne a re tlhalosetsa ka mathata le dikgwetlo tse basadi ba kopanang le tsona fa ba batla go iponela lefatshe leo e leng la bone.
-
Mosadi wa dingwaga tse 26, yo e leng molemirui
Re buisane le Lerato Senakhomo, mosadi wa dilemo tse 26, yo e leng molemi rui.
-
Wena jaaka monna/rre o eme kae?
Wena jaaka monna/rre o eme kae? Re buisane le Afrika Tau yo a tseile tshoetso gore o tla kgala banna bao ba sotlang basadi, le go ba batlela thuso ya counseling gore ba fetole maitsolo a bona. #MotswedingFMKD
-
GoSenyegileKae - Botho bo a nyelelela mo Setshabeng le Professor Sekepe Matjila
Re buisane Professor Sekepe Matjila go tswa kwa Universiting ya Afrika Borwa, ka go nyelela ga botho mo setshabeng sa rona, re batla go itse gore ke eng se se dirang gore gonne le kwelo tlase ya botho mo setshabeng sa rona.
-
Basadi mo lekaleng la molao
Re tlotlomatsa Basadi mo lekaleng la molao , ka go supa karolo e ba e tsayang le go tlhagisa maitemogelo a bone ka go direla lephata la molao (Women in law)
-
Go nyelela ga botho mo malapeng le ke Rre Kagiso Kaebis, Ngaka ya setso kwa Ganyesa
Ke eng se se dirang gore gonne le kwelo tlase ya botho mo malapeng a rona. Moeng wa rona ke Rre Kagiso Kaebis – eleng Ngaka ya setso kwa Ganyesa.
-
Thato Molosankwe yoo sweditseng go tsamaya leeto ka dinao go tswa Kapa go ya Cairo
Re buisane le Thato Molosankwe yoo sweditseng go tsamaya leeto ka dinao go tswa Kapa go ya Cairo (Rounding Africa 49 States) maitlhomo e go tlotlomatsa dingwaga di le lekgolo tsa mogaka Nelson Mandela. #RoundingAfrika #UnitingAfricanMenAgainstAbuseAndFemicide #100YearsMandela...
-
Land expropriation le Rre Pakes Dikgetsi go tswa kwa COPE le Rre Kenneth Mokgatlhe go tswa kwa PAC
Re buisane le Rre Pakes Dikgetsi go tswa kwa COPE le Rre Kenneth Mokgatlhe go tswa kwa PAC ka kgang e e tshwentseng ya lefatshe (land expropriation). Ba ne ba fatlhosa gore bona makoko a bona reng ka kgang e.
-
Morago ga dingwaga tse 20 re lebelela gore ke eng se se fetogileng kwa sekolo se se golwane sa Vryburg le mogokgo Barry
Morago ga dingwaga tse 20 re lebelela gore ke eng se se fetogileng kwa sekolo se se golwane sa Vryburg. Sekolo seo se kile sa bo se faraferwe ke Dintwa tse di setlhogo tsa bosemorafe. Re buisane le Barry Fuleni yo e leng mogokgo wa sekolo seo.
-
Go tseiwa ka dikgoka ga di kago (Building hijacking) le Victoria Rammala Director Property Hijacking Investigations
Re buisane le Victoria Rammala Director Property Hijacking Investigations @ Group Forensics City of Johannesburg ka go tseiwa ka dikgoka ga di kago (building hijacking) ko Johannesburg.
-
Go tlhokofadiwa le go bolawa ga basadi ke bakapelo ba bona
Re buisane le Neo Chaka go tswa kwa Moral Regeneration Movement, re buisana ka dipolao le tshotlako ya bana le basadi. Go tshwanetse ga diragala eng gore banna ba gakologelwe le go tsiboga gore ga goa siama go sotla le go bolaya basadi.
-
Mefuta e e leng teng ya go opa ga tlhogo le Dr Desmond Kegakilwe
Re buisane le Dr Desmond Kegakilwe ka mefuta e e leng teng ya go opa ga tlhogo le gore ke maemo afe a motho a tshwanelang ke go bona baoki kgotsa ngaka (Types of Headaches)
-
Rre Mpho Kgabi go tswa kwa The Revolutionary Council in the North West ka seemo sa polotiki mo NW
Goitsemodimo Seleka o buisane le Rre Mpho Kgabi go tswa kwa The Revolutionary Council in the North West, ba buisana ka seemo sa polotiki mo Province ya North West.
-
Prof Matjila ka mefuta e e farologaneng ya di dirisiwa tsa tiro, tse di dirisiwang ke borre ba Batswana mo letsemeng.
Re tsene mo kgweding ya Motsheganong – Mabele a tiile a retelela dinonyane go a ja mo Masimong go twe “Mabele a Tshega Dinonyane Ganong”, Mo kgweding e mo Afrika Borwa re e bitsang kgwedi ya Badiri. Re buisane le Prof Sekepe Daniel Matjila ka mefuta e e farologaneng ya di dirisiwa tsa tiro, tse…
more -
Government Land audit report le Rre Richard Keothaile go tswa kwa Rural Development and Land Reform
Puso e ntshitse pegelo e ba e biditseng Government Land audit report e e lebelelang gore lefatshe la Afrika Borwa ke la ga mang, go ya ka mmala, dingwana le bong. Re buisane le Rre Richard Keothaile go tswa kwa Rural Development and Land Reform gore a tle a re tlhabe botlhale gore nare lefatshe…
more -
A go botlhokwa gore Afrika Borwa e tsenye molao wa gore baruti ba nne le dithuto tsa Theology
Re buisana le Professor Tshepo Lephakga, go tswa kwa Theology Department UNISA, Rwanda e tsetse dikereke tse 700 tseo ba kayang di se mo molaong, mme baruti ba tsona ba sena dithutego tse maleba. A Afrika Borwa e ka tseya sekai kgotsa motlhala go tswa mo se Rwanda ba se dirileng?
-
Re ketekile letsatsi la badiri ka go tlotlomatsa modiri wa boitekanelo, Dr Mpho Sebesho
Re ketekile letsatsi la badiri ka go tlotlomatsa modiri wa boitekanelo, Dr Mpho Sebesho, ka tiro ea e dirang (Celebrating International Workers' Day by going through a health specialist /practitioner day at workplace
-
Tsela e molao o sireletsang paki ka teng
Maitlhomo a sekhutlhwana sa dithuto tsa Civic ga a fetoga leseng, otla gopola gore gareng ga one re tlhagisa merero e amanang le baagi, bosinyi le tsa molao. Ga ese batho botlhe ba ba itseng tsamaiso ya tsheko le gore fa ele paki ke eng se motho a tshwanetseng go se dira. Kgang ya rona ya…
more -
Pegelo ka ga go palelwa ga puso go thapa batho lefa gona le diphatlhatiro le Rre Michael Seloane gotswa PSC
Re buisana le Rre Michael Seloane yo eleng Commissioner kwa Public Service Commission mo nageng ya rona. Puisano ya rona e mabapi le pegelo e a neelaneng ka yone gompieno a tlhagisa matshwenyego a Public Service Commission go bona fa puso e sa thape batho ntswa go nale palo e e leng kwa godimo ya...
-
Ngwaga o mosha mo tumelong ya Bahai - Naw-Ruz
Gompieno re seka seka Ngwaga o Montshwa wa tumelo ya Bahai o o bidiwang Naw-Ruz. Moeng wa rona ke Mme Kea Mphiwa, Mme Nomalizo Jaola mmogo le Rre Gomolemo Msinga.
-
Letsatsi la ditshwanelo tsa botho le Mme Mpho Boikanyo gotswa South African Human Rights Commission
Re buisana le Mme Mpho Boikanyo yo eleng Motsamaisi mo profenseng ya Bokone Bophirima kwa setheong sa South African Human Rights Commission. Gompieno re keteka letsatsi la ditshwanelo tsa botho mme re tlhoka go tlhaloganya botlhokwa jwa letsatsi leno le bokao jwa lone. Motlatsa Presidente ya Naga...
-
ditshwanelo tse moagi a nang le tsone go bona kgotsa go fitlhella ditirelo tse di rebolwang ke ba molao/sepodisi
Kgwedi ya Mopitlwe ke kgwedi e ka yone go ketekwang ditshwanelo tsa botho mono nageng,dibeke dile pedi tse di fetileng re buile ka tsela e molao o sireletsang ditshwanelo tsa badiri ba ba nang le bogole kwa mafelong a bodirelo ka teng. Sekhutlhwana sa dithuto tsa CIVIC ga re rute fela ka tse…
more -
Ditshwanelo tsa bagodi ba rona le Ngaka Kagiso Kaebis & Boikanyo Ramogoelelo
Re seka seka ditshwanelo tsa bagodi ba rona, re batla go itse gore, re ka ba sireletsa jang le go tlosa kakanyo e e fosagetseng ja gore ga ba godile ba latofadiwa ka boloi. Moeng wa rona Ngaka Kagiso Kaebis mmogo le Rre Boikanyo Ramogoelelo yo e leng Moitsanape wa tsa setso.
-
Bookelo jwa Nelson Mandela Children’s Hospital , go akaretsa le mefuta ya malwetse a alafiwang mo bookelong bo
Mo kgweding ya Mopitlwe go fitlha ga jaana re amile kgang ya malwetse a pelo le a kankere, fela ga ra tshwanela ke go lebala gore mogaka wa maloba Rre Nelson Mandela ke karolo ya dipuisano tsa rona mono ngwaga. Ka goreng jalo puisano ya rona gompieno e ikaegile mo go sekasekeng tsamaiso, manaane,...
-
Dipoelo tsa go dira-dikopo kwa ditheong tsa thuto e kgolwane nako e santse ele teng le Dr Abbey Mathekga
Nako le nako barutwana ba rotloediwa go dira dikopo nako e santse ele teng go efoga mela e melele fa ngwaga a simolola, seŠheng jana go nale mekgwa e mebedi ya go dira-kopo e ka nna ka go romela ka letsogo kgotsa go dirisa maranayane . Mme go supa fa maranyane ale bonako le go somarela tiriso ya...
-
Go busetswa lefatshe la RONA kwantle ga tuelo le Dr Motsoko Pheko
Re buisana le Dr Motsoko Pheko yo eleng mokwadi wa dibuka, mme ele Mo Presidente wa maloba lekoko la The Pan Africanist Congress ka kgang ya go busediwa ga lefatshe go beng ba lone kgotsa Land expropriation. Mo dibekeng dile pedi tse di fetileng re buile ka botshelo jwa mogaka wa rona wa maloba…
more -
Re thusa barutwana le baithuti go dira tlhopo e siameng ya ditiro tse ba di latelang mo isagong
Beke e fetileng re buile ka botlhokwa jwa tlhopo ya dirutwa mo botshelong jwa morutwana go isa kwa isagong ya gagwe, mme re utlwile dintlha tse di tlhagisitsweng ke morutabana Matshaba le morutwana Nomathemba gore o tshwanela ke go ela eng tlhoko. Gompieno re bua ka kgang ee nang le seabe goya go...
-
Palo e e leng kwa tlase ya di Professor tsa bantsho le Dr Neo Lekgotla laga Ramoupi
Re buisana ka botshelo jwa mogaka wa rona wa maloba Rre Nelson Mandela re totile karolo ya gagwe mo go lweleng ditshwanelo tsa botho. Mme ke ka moo re laleditseng Dr Neo Lekgotla laga Ramoupi go buisana le rona ka tlhokego ya di Professor tsa bantsho mo nageng ya rona. Dr. Neo Lekgotla laga…
more
We're indexing this podcast's transcripts for the first time — this can take a minute or two. We'll show results as soon as they're ready.
No matches for "" in this podcast's transcripts.
No topics indexed yet for this podcast.
Loading reviews...
ABOUT THIS SHOW
KOPA DILALELO is consciously built to define credible context and engage different perspectives. The show uses a variety of views and projects them without subjectivity whilst ensuring that it projects all forms of unscripted conversations and engage audiences. It further uses multiple views at one time unless content is focused on an individual subject.
HOSTED BY
Motsweding FM
Loading similar podcasts...