Pegelo ya The Public Service Commission e e leng mabapi le tsamaiso ya thuto
from Kopa Dilalelo Hosted by Motsweding FM
Re tlile go bua le Rre Michael Seloane go tswa kwa The Public Service Commission e e leng setheo se se simolotseng ka fo tlase ga molaotheo wa Aforika Borwa go elatlhoko maemo a ditirelo tse di amogelang ke baagi. Mme gompieno re totile pegelo ya PSC e e leng mabapi le tsamaiso ya thuto mo nageng ya rona go kgontsa barutabana le baithuti go tswelelapele mo tirong ya bone. Kgang ya dibuka tse di dirisiwang kwa dikolong ke e e leng tlhobaboroko jaaka barutabana mmogo le baithuti ba diega mo tirong ya bone kwa sekolong. Mme gopola gore ke tshwanelo ya ngwana monge le mongwe mo Aforika go bona thuto ya motheo e e leng maleba go fetola le go tlhabolola botshelo jwa gagwe. Mo tshimologong ya ngwaga ka kgwedi ya Ferikgong le Tlhakole, setheo sa The Public Service Commission se ile sa dira dipatlisiso mabapi le ditirelo tsa lefapha la thuto go romela barutabana dibuka le dilo tsotlhe tse ba ditlhokang go neela bana thuto (Learner and Teacher Support Material). Mme dipatlisiso tseno maikaelelo a tsone ene ele go elatlhoko maemo ka kakaretso kwa dikolong tse di farologaneng gore go tle go tsewe dikgato tse dileng maleba fa maemo a sa itumedisi. Mo letlhakoreng le lengwe dipatlisiso tseno di kgontsha setheo seno go bona fa seemo sa thuto e e neelwang bana se le mo maemong a kwa godimo, dikgwetlho tse di lebaneng baithuti le barutabana mmogo le go nnetefatsa fa moono wa Batho Pele o diragadiwa. Mo diprofenseng dile robongwe (9) PSC e dirile dipatlisiso mo dikolong dile 99 fela, tse dileng kwa metsemagaeng mmogo le kwa ditoropong.
Embed this episode
No transcript yet.